LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gm kgao. 4 ts. 37-54
  • “Tesetamente E Kgologolo” E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tesetamente E Kgologolo” E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?
  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshwaya-Diphoso jwa Maemo A A kwa Godimo—Bo Ikanyega Go Le Kana Kang?
  • A Boithuta-Marope Bo Tshegetsa Bibela?
  • Bosupi Jo Bongwe Jo Bo Tshegetsang
  • Go Wa ga Jeriko
  • Makoa a Boithuta-Marope
  • Bibela Ke Hisitori ya Boammaaruri
  • Ntwa ya Kwa Jeriko—A Ke Tlhamane Kana Ke ya Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Thuto ya bo 9—Thutamarope le Rekoto E E Tlhotlheleditsweng
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Tesetamente E Ntšha”—A Ke Hisitori Kana Ke Tlhamane Fela?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
gm kgao. 4 ts. 37-54

Kgaolo 4

“Tesetamente E Kgologolo” E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?

Mo dikgaolong di sekae tse di latelang, re tla tlotla ka dingwe tsa ditatofatso tseo batshwaya-diphoso ba segompieno ba latofatsang Bibela ka tsona. Bangwe ba latofatsa Bibela ka gore e a ikganetsa le gore “ga e dumalane le saense,” mme go tla tlotliwa ka ditatofatso tseno moragonyana. Mme santlha, a o ke o akanyetse tatofatso eo e dirwang gantsi ya gore Bibela ke ditlhamane fela le dinoolwane tse di kokoantsweng. A batho ba ba emeng kgatlhanong le Bibela bano ba na le mabaka a a tiileng a go e tshwaya diphoso jalo? Santlha, a re ke re tlhatlhobeng Dikwalo tsa Sehebera, tseo di bidiwang Tesetamente E Kgologolo.

1, 2. Go dikaganyediwa ga Jeriko go ne go ntse jang mme go tsoga dipotso dife malebana le gone?

MOTSE mongwe wa bogologolo o dikaganyeditswe. Batlhasedi ba one ba ile ba nyeula go kgabaganya Noka ya Joredane mme jaanong ba setse ba thibeletse mo pele ga dipota tse dikgolo tsa motse ono. Mme abo ba na le matlhajana a a sa tlwaelegang jang ne a go lwa! Letsatsi lengwe le lengwe mo sebakeng sa malatsi a le marataro, masole ano a a tlhaselang a ntse a tsamaya go dikologa motse ono, a didimetse kwantle ga setlhopha sa baperesiti seo ba tsamayang le sone seo se letsang dinaka. Jaanong, mo letsatsing la bosupa, masole ano a tsamaya ka tidimalo go dikologa motse ono ga supa. Ka bonako fela, baperesiti ba letsa dinaka tsa bone ka thata yotlhe ya bone. Masole ano a simolola go tlhaba mokgosi wa ntwa, mme dipota tseno tse di boitshegang tsa motse ono di a wa mme di tsosa lerole le le seng kana ka sepe, di tlogela motse ono o sa sirelediwa ka gope.—Yoshue 6:1-21.

2 Ke ka moo buka ya Yoshue, eleng buka ya borataro ya Dikwalo tsa Sehebera, e tlhalosang go wa ga Jeriko ka gone go go neng ga diragala mo e ka nnang dingwaga di le 3 500 tse di fetileng. A mme ruri seo se kile sa diragala? Batshwaya-diphoso ba le bantsi ba maemo a a kwa godimo ba ne ba ka araba ka tsholofelo ba re nnyaa.a Ba bolela gore buka ya Yoshue, gammogo le dibuka di le tlhano tsa ntlha tsa Bibela, di na le dinoolwane tseo di kwadilweng makgolokgolo a dingwaga morago ga gore ditiragalo tseo go buiwang ka tsone fano di diragale. Baithuta-marope ba le bantsi le bone ba ne ba tla araba ka go re nnyaa. Go ya ka bone, fa Baiseraele ba ne ba tla mo lefatsheng la Kanana, gongwe Jeriko le go nna gone e ne e ise e nne gone.

3. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore re sekaseke Bibela gore a e na le hisitori ya boammaaruri kana nnyaa?

3 Tseno ke ditatofatso tse di masisi thata. Jaaka fa o ntse o bala Bibela, o tla lemoga gore dithuto tsa yone di tsamaisana thata le hisitori. Modimo o dirisana le banna, basadi, malapa, le merafe ya mmatota, mme ditaelo tsa gagwe di neelwa batho bao ba kileng ba nna gone. Bakanoki ba segompieno bao ba belaelang gore ditiragalo tse di mo Bibeleng di kile tsa nna teng gape ba belaela ka moo molaetsa wa yone o leng botlhokwa ka gone le ka moo o ikanyegang ka gone. Fa e le gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo, he ditiragalo tsa yone di tshwanetse tsa bo di ikanyega mme e seke ya bo e le dinoolwane kana ditlhamane fela. A batshwaya-diphoso bano ba na le mabaka a go gwetlha boammaaruri jwa hisitori ya yone?

Botshwaya-Diphoso jwa Maemo A A kwa Godimo—Bo Ikanyega Go Le Kana Kang?

4-6. Dingwe tsa dithuto tsa ga Wellhausen tsa botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo ke dife?

4 Botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo jwa Bibela bo simolotse ka tlhagafalo ka lekgolo la bo-18 le la bo-19 la dingwaga. Mo sephatlhong sa bofelo sa lekgolo la bo-19 la dingwaga, motshwaya-diphoso wa Bibela wa Mojeremane ebong Julius Wellhausen o ne a tumisa thuto nngwe ya gore dibuka tsa ntlha tse thataro tsa Bibela, go akareletsa le ya Yoshue, di kwadilwe mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.—mo e ka nnang dingwaga di le sekete morago ga gore ditiragalo tseo go buiwang ka tsone moo di diragale. Lefa go le jalo, o ne a rile di na le dilo tseo di neng di kwadilwe pelenyana ga moo.⁠1 Thuto eno e ne ya kwalwa mo tokololong ya bo-11 ya Encyclopædia Britannica, eo e neng ya gatisiwa ka 1911, eo e neng e tlhalosa jaana: “Genesise ke buka ya ditiragalo tsa morago ga botshwaro jwa Bajuda eo motswedi wa yone wa tshedimosetso eleng baperesiti ba ditiragalo tsa motlha wa morago ga botshwarwa jwa Bajuda le metswedi e mengwe ya tshedimosetso eo e seng ya baperesiti ya pelenyana eo e farologaneng thata le ya baperisiti ka puo, mokgwa wa go kwala, le go ya ka bodumedi.”

5 Wellhausen le balatedi ba gagwe ba ne ba leba ditiragalo tsotlhe tse di begilweng mo karolong ya ntlha ya Dikwalo tsa Sehebera jaaka “ditiragalo tse eseng tsa mmatota, mme e le ditlhamane tse di tumileng tsa bogologolo.”⁠2 Dipego tsa pelenyana ga moo di ne di tsewa jaaka selo fela seo se bontshang hisitori ya moragonyana ga moo ya Iseraele. Ka sekai, go ne go bolelwa gore bobaba jo bo neng bo le gone mo gare ga Jakobe le Esau ga bo a ka jwa diragala tota, mme e ne e le go bontsha bobaba jo bo neng bo le gone mo gare ga morafe wa Iseraele le wa Edoma mo dinakong tsa moragonyana ga moo.

6 Tumalanong le seno, batshwaya-diphoso bano ba ne ba akanya gore Moshe ga a ise a ko a amogele taelo epe ya gore a dire letlole la kgolagano le gore motlaagana, oo e neng e le lefelo leo Baiseraele ba neng ba obamela mo go lona mo sekakeng, ga o ise o ke o tsamaye o nne teng. Gape ba ne ba dumela gore taolo ya boperesiti jwa ga Arone e ne ya tlhomiwa ka botlalo dingwaga di sekae fela pele ga go senngwa ga Jerusalema ke Bababelona, eleng seo batshwaya-diphoso bano ba dumelang gore se ne sa diragala mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.⁠3

7, 8. Wellhausen o ne a na le “bosupi” bofe jo bo tshegetsang dithuto tsa gagwe, a mme bo ne bo utlwala?

7 Ba ne ba na le “bosupi” bofe jwa dilo tseno tseo ba neng ba di akanya? Batshwaya-diphoso ba maemo a a kwa godimo ba bolela gore ba kgona go kgaoganya tshedimosetso e e mo dibukeng tsa pele tsa Bibela ba e kgaoganya ka makwalo a le mmalwa a a farologaneng. Molao-motheo wa konokono o ba o dirisang ke wa go dumela gore, fa go buiwa fela ka kakaretso, temana nngwe le nngwe ya Bibela eo e dirisang lefoko la Sehebera le le kayang Modimo (’Elo·himʹ) e kwadilwe ke mokwadi a le mongwe ka boyone, mme temana epe fela e e bitsang Modimo ka leina la gagwe, ebong Jehofa, e tshwanetse ya bo e kwadilwe ke yo mongwe—jaaka ekete mokwadi a le mongwe o ne a ka seka a dirisa mafoko ao ka bobedi.⁠4

8 Ka mo go tshwanang, nako nngwe le nngwe fa tiragalo nngwe e begiwa mo go fetang gangwe mo bukeng nngwe, seo se tsewa jaaka bosupi jwa gore ga e a kwalwa ke mokwadi a le mongwe, lemororo dibuka tsa bogologolo tsa Basheme di na le dikai tse dingwe tse di tshwanang le tseo tsa go boelediwa ga dilo. Go feta moo, go dumelwa gore phetogo nngwe le nngwe ya mokgwa wa go kwala e raya gore mokwadi le ene ke yo mongwe yo o farologaneng. Lefa go le jalo, tota le eleng bakwadi ba dipuo tsa segompieno gantsi ba kwala ka mekgwa e e farologaneng ka maemo a a farologaneng a bokgoni jwa bone, kana fa ba kwala ka ditlhogo tse di farologaneng.b

9-11. Ke makoa mangwe afe a a tlhomologileng ao botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo jwa segompieno bo nang le one?

9 A go na le bosupi bope fela jwa boammaaruri jo bo tshegetsang dithuto tseno? Le eseng. Moakgedi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Botshwaya-diphoso, tota lefa bo ntshitse bokgoni jotlhe jwa jone, bo phopholetsa dilo ebile ga bo a tlhomama, ke sengwe seo ka metlha se tshwanetseng sa fetolwa kana sa tshwaiwa phoso mme ebile se ka emisediwa ka se sengwe se sele. Ke selo se batlhalefi ba ithapisang ka sone, selo seo se ka belaelwang ka tsela lefa e le efe fela le go phopholediwa tseo go ithapisa go go ntseng jalo go nang le tsone ka metlha.”⁠5 Botshwaya-diphoso jwa Bibela jwa maemo a a kwa godimo, segolobogolo bo “phopholetsa dilo ebile ga bo a tlhomama” ka mo go feteletseng.

10 Gleason L. Archer, Jr., o bontsha phoso e nngwe gape eo kakanyo eno ya botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo bo nang le yone. A re, bothata ke gore “sekolo sa ga Wellhausen se simolotse ka go dumela ka mo go feletseng (eleng seo ba sa itshwenyang le go itshwenya go se bontsha) gore bodumedi jwa Iseraele e ne e le jo bo simolotsweng ke motho fela jaaka bope fela jo bongwe, le gore bo ne bo tshwanetse jwa tlhalosiwa jaaka jo bo tlileng ka go itlhagelela fela.”⁠6 Ka mantswe a mangwe, Wellhausen le balatedi ba gagwe ba simolotse ba dumela gore Bibela ke lefoko la motho fela, mme go tswa foo ba bo ba ntsha maikutlo a bone ba a theile mo go seo.

11 Morago kwa ka 1909, The Jewish Encyclopedia e ne ya lemoga makoa a mangwe a le mabedi a thuto ya ga Wellhausen: “Dilo tseo Wellhausen a di bolelang tseo a batlang a gapile setlhopha sotlhe ka botlalo sa batshwaya-diphoso ba Bibela ba motlha wa gagwe di theilwe mo dilong di le pedi tseo ba di dumelang: sa ntlha, gore mekgwa ya go obamela e raraanela pele fa bodumedi bo ntse bo gola; sa bobedi, gore metswedi ya tshedimosetso ya pelenyana e bua ka dikgato tsa pele tsa fa mekgwa ya go obamela e ntse e gola. Selo sa ntlha mo go tseno seo ba se bolelang se kgatlhanong le bosupi jwa dingwao tsa bogologolo, mme sa bobedi ga se tshegediwe ka gope ke bosupi jwa melao ya mekgwa ya go obamela e e jaaka ya kwa India.”

12. Botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo jwa segompieno bo utlwala go le kana kang go ya ka boithuta-marope?

12 A go na le tsela epe fela ya go leka botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo gore re bone gore a dithuto tsa jone di siame kana nnyaa? The Jewish Encyclopedia e tswelela ka go re: “Tsela eo Wellhausen a lebang dilo ka yone e theilwe mo e ka nnang yotlhe mo go tlhaloseng dilo fela jaaka fa di ntse, mme o tla tshwanelwa ke go tla a sekaseka dintlha go ya ka tsela eo setlhopha sa baithuta-marope se di lebang ka yone.” Fa dingwaga di ntse di ya, a boithuta-marope bo ne jwa tshegetsa dithuto tsa ga Wellhausen? The New Encyclopædia Britannica e araba jaana: “Botshwaya-diphoso jwa boithuta-marope bo ile jwa sekamela mo go tshegetseng ka moo dintlha tsa hisitori tsa dinako tsa bogologolo [tsa hisitori ya Bibela] di ikanyegang ka gone ebile ga bo dumele thuto ya gore dipego tsa Pentateuch [eleng tsa dipego tsa hisitori tse di mo dibukeng tsa ntlha tsa Bibela] di bontsha fela gore ke eng seo se neng sa diragala mo nakong ya moragonyana.”

13, 14. Lemororo motheo wa botshwaya-diphoso jwa ga Wellhausen jwa maemo a a kwa godimo e le o o reketlang, ke ka ntlhayang fa bo santse bo dumelwa jaana?

13 Morago ga gore re bone ka moo botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo bo leng bokoa ka gone, ke ka ntlhayang fa batlhalefi gompieno ba bo rata jaana? Gonne bo ba bolelela dilo tseo ba ratang go di utlwa. Moithuti mongwe wa lekgolo la bo-19 la dingwaga o ne a tlhalosa jaana: “Nna ka namana, ke ne ka amogela buka eno ya bo Wellhausen go gaisa mo e ka nnang buka epe fela; ka gonne bothata jo bogolo jwa hisitori ya Tesetamente E Kgologolo mo go nna bo bonala kgabagare bo rarabolotswe ka tsela eo e utlwanang le molao-motheo wa go itlhagelela ga motho oo ke tshwanetseng ka o dirisa mo hisitoring ya bodumedi jotlhe.”⁠7 Ka mo go bonalang ka gone, botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo bo ne jwa dumalana le tsela eo a akanyang ka yone jaaka moitseanape wa thuto-tlhagelelo. Mme, eleruri, dithuto tse pedi tseno di na le boikaelelo jo bo tshwanang le jone jono. Fela jaaka thuto-tlhagelelo e ne e ka dira gore go bonale go sa tlhokafale gore go dumelwe mo Mmoping, botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo jwa ga Wellhausen le jone bo raya gore motho ga a tshwanela go dumela gore Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo.

14 Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga leo motho a ikaegang fela ka tlhaloganyo ya gagwe mo go lone, kakanyo ya gore Bibela ga se lefoko la Modimo mme ke la motho e lebega e na le tlhaloganyo mo batlhalefing.c Go bonolo thata mo go bone gore ba dumele gore dipolelelopele di ne tsa kwalwa morago ga gore di diragadiwe go na le gore ba di amogele jaaka tse di boammaaruri. Ba rata go tlhalosa dilo tseo Bibela e di begang tsa dikgakgamatso gore di lebege jaaka ekete ke ditlhamane, dinoolwane, kana pego fela e e sa thuseng sepe e e itlhametsweng ke batho, go na le gore ba di tseye jaaka dilo tseo go kgonagalang gore di bo di ile tsa diragala tota. Mme pono e e ntseng jalo e phoso mme ga e neye lebaka lepe le le utlwalang la gore re seka ra tsaya Bibela jaaka e e boammaaruri. Botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo bo na le diphoso tse di masisi, mme go tlhasela Bibela ga jone go paletswe ke go bontsha gore Bibela ga se Lefoko la Modimo.

A Boithuta-Marope Bo Tshegetsa Bibela?

15, 16. Ke kgosi efe ya bogologolo tala e e umakiwang mo Bibeleng eo boithuta-marope bo tlhomamisang gore e kile ya nna teng?

15 Boithuta-marope ke karolo ya thuto e e nang le motheo o o tlhomameng go gaisa botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo. Baithuta-marope, ka go epolola masalela a dilo tsa bogologolo, ka ditsela di le dintsi ba ile ba dira gore re tlhaloganye ka moo dilo di neng di le ka teng mo dinakong tsa bogologolo. Ka gone, ga go gakgamatse go bo pego ya boithuta-marope gangwe le gape e dumalana le seo re se balang mo Bibeleng. Ka dinako tse dingwe, boithuta-marope bo ile jwa tlhatswa Bibela leina kgatlhanong le batshwaya-diphoso ba yone.

16 Ka sekai, go ya ka buka ya Daniele, mmusi wa bofelo wa Babelona, pele ga e wela kafa tlase ga Baperesia o ne a bidiwa Beleshasare. (Daniele 5:1-30) Ereka go ne go lebega Beleshasare a sa umakiwe gope fa e se mo Bibeleng fela, Bibela e ne ya latofadiwa ka gore e phoso le gore motho yono ga a ise a ko a tsamaye a nne gone. Mme ka lekgolo la bo-19 la dingwaga, diselennere di le mmalwa tse dinnye tseo di neng di kwadilwe ka mokwalo wa cuneiform di ne tsa bonwa mo masaleleng mangwe a kwa Iraq borwa. Di ne tsa fitlhelwa di na le thapelo ya go rapelela morwa yo mogolo wa ga Nabonidase, kgosi ya Babelona, gore a nne le pholo e e molemo. Leina la morwa yono e ne e le mang? Beleshasare.

17. Re ka tlhalosa jang lebaka la go bo Bibela e bitsa Beleshasare e re kgosi, lemororo bontsi jwa mekwalo bo ne bo mmitsa kgosana?

17 Ka jalo Beleshasare o kile a nna gone! Lefa go le jalo, a e ne e le kgosi fa Babelona e ne e wa? Makwalo a le mantsi a a neng a bonwa moragonyana fela ga moo a ne a mmitsa morwa kgosi, kgosana e e rweleng serwalo sa bogosi. Mme lekwalo lengwe la mokwalo wa cuneiform leo le neng le tlhalosiwa jaaka “Pego E E Kgaogantsweng ka Ditemana E E kaga Nabonidase” le re naya lesedi le le oketsegileng kaga boemo jwa mmatota jwa ga Beleshasare. E ne ya bega jaana: “[Nabonidase] o ne a neela (morwawe) yo mogolo ‘Bothibelelo’ eleng wa motsalwapele, mephato yotlhe mo nageng e ne e le kafa tlase ga (taolo) ya gagwe. O ne a tsamaisa (sengwe le sengwe), o ne a mo neela bogosi.”⁠8 Ka jalo Beleshasare o ne a newa bogosi. Ka mo go tlhomamisegileng, go ka dumelwa gore seno sotlhe e ne e le go mo dira kgosi!d Kamano eno ya magareng ga ga Beleshasare le rraagwe, ebong Nabonidase, e tlhalosa lebaka la go bo Beleshasare, ka nako ya moletlo wa gagwe wa bofelo kwa Babelona, a neng a ikemisetsa go dira Daniele mmusi wa boraro mo bogosing. (Daniele 5:16) Ereka Nabonidase e le mmusi wa ntlha, Beleshasare ka boene e ne e le fela mmusi wa bobedi wa Babelona.

Bosupi Jo Bongwe Jo Bo Tshegetsang

18. Boithuta-marope bo neela tshedimosetso efe go tlhomamisa malebana le kagiso le kgatlego tse di neng di le gone ka ntlha ya go busa ga ga Dafide?

18 Eleruri, bontsi jwa dilo tseo di bonweng ke baithuta-marope di ile tsa bontsha ka moo ditiragalo tsa Bibela di leng boammaaruri ka gone. Ka sekai, Bibela e bega gore morago ga gore Kgosi Solomone a tseye bogosi mo go rraagwe, ebong Dafide, Iseraele e ne ya atlega thata. Re bala jaana: “Ba Yuda le ba Iseraela ba bo ba le bantsi, yaka moshawa o o ha lewatleñ ka bontsi, ba ya ba nwa ba diha mokete hèla.” (1 Dikgosi 4:20) Go tshegetsa polelo eno, re bala jaana: “Bosupi jwa baithuta-marope bo senola gore batho ba ne ba le bantsi thata kwa Juda ka lekgolo la bo lesome la dingwaga B.C. le morago ga lone fa kagiso le katlego tseo di neng di lerilwe ke Dafide di ne tsa dira gore go kgonege gore ba age ditoropo tse dintsi tse disha.”⁠10

19. Boithuta-marope bo neela tshedimosetso efe e nngwe malebana le ntwa e e neng e le gone magareng ga Iseraele le Moaba?

19 Moragonyana ga moo, Iseraele le Juda e ne ya nna merafe e mebedi, mme Iseraele e ne ya fenya lefatshe le le neng le le gaufi le yone la Moaba. Ka nako nngwe Moaba, a le kafa tlase ga ga Kgosi Mesha, o ne a tsuologa, mme Iseraele o ne a dira kgolaganyo le Juda le bogosi jo bo neng bo le gaufi nayo jwa Edoma gore ba lwe kgatlhanong le Moaba. (2 Dikgosi 3:4-27) Se se tlhomologileng ke gore, ka 1868 kwa Joredane, go ile ga bonwa stela (eleng letlapa le le setilweng) leo le neng le kwadilwe ka leleme la Moaba e le pego ya ga Mesha ka namana ya ntwa eno.

20. Boithuta-marope bo re bolelela eng malebana le go senngwa ga Iseraele ke Baasiria?

20 Morago ga moo, ka ngwaga wa 740 B.C.E., Modimo o ne wa letla bogosi jwa bokone jwa Iseraele jo bo neng bo tsuologa gore bo senngwe ke Baasiria. (2 Dikgosi 17:6-18) Fa a ne a bua malebana le seo Bibela e se begang kaga tiragalo eno, moithuta-marope ebong Kathleen Kenyon o akgela jaana: “Motho a ka nna a belaela gore dingwe tsa dipego tseno di a fetelediwa.” A mme go ntse jalo? O oketsa ka go re: “Bosupi joo boithuta-marope bo bo neelang jo bo malebana le go wa ga bogosi jwa Iseraele bo batla bo phepafetse thata go feta joo pego ya Bibela e re neelang jone. . . . Go senngwa go go feletseng ga metse ya Iseraele ya Samaria le Hasore le go senngwa ga ka nako e e tshwanang ga Megido ke bosupi jo bo nang le mabaka joo boithuta-marope bo re bo neelang jwa gore mokwadi wa [Bibela] o ne a sa feteletse.”⁠11

21. Ke dintlha dife tse di malebana le go thopiwa ga Juda ke Bababelona tseo boithuta-marope bo re neelang tsone?

21 Moragonyana gape, Bibela e re bolelela gore Jerusalema e ne ya dikaganyediwa ke Bababelona e le kafa tlase ga Kgosi Jehoiakine mme ba ne ba e fenya. Tiragalo eno e ne ya begiwa mo Ditiragalong tsa Babelona, eleng letlapa le le nang le mokwalo wa cuneiform le le neng la bonwa ke baithuta-marope. Re bala jaana mo go lone: “Kgosi ya Akada [Babelona] . . . e ne ya dikaganyetsa motse wa Juda (iahudu) mme kgosi eno e ne ya gapa motse ono ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya Addaru.”⁠12 Jehoiakine o ne a isiwa Babelona mme a tsenngwa mo kgolegelong gone. Mme moragonyana, go ya ka Bibela, o ne a gololwa mo kgolegelong mme a newa dijo. (2 Dikgosi 24:8-15; 25:27-30) Seno se tshegediwa ke makwalo a semmuso ao a neng a bonwa kwa Babelona, ao a nang le lenaane la dijo tseo di neng di newa “Yaukîn, kgosi ya Juda.”⁠13

22, 23. Ka kakaretso, ke kamano efe e e leng gone magareng ga boithuta-marope le dipego tsa hisitori tsa Bibela?

22 Malebana le kamano e e leng gone magareng ga boithuta-marope le dipego tsa hisitori ya Bibela, Moperofesara David Noel Freedman o ne a akgela jaana: “Lefa go le jalo, ka kakaretso boithuta-marope bo ile jwa sekamela mo go tshegetseng boammaaruri jwa hisitori eo e bolelwang ke Bibela. Pego ya yone e e atlhameng ya go bala nako ya go tloga ka dinako tsa ditlhogo tsa lotso go fitlha ka dinako tsa T[esetamente] E N[tšha] e tsamaisana le seo se bolelwang ke boithuta-marope. . . . Dilo tseo di tla bonwang mo isagweng go bonala di tla tshegetsa boemo jwa ga jaanong jwa go sa feteletse dilo jwa gore dilo tseo di bolelwang mo Bibeleng ke tsa mmatota tse di kileng tsa diragala, mme di ile tsa kwalololwa ka boikanyego, lemororo e se hisitori go ya ka kgopolo ya go tshwaya diphoso kana ya saense.”

23 He, malebana le maiteko ao a dirilweng ke batshwaya-diphoso ba maemo a a kwa godimo a go ganetsa Bibela, o bolela jaana: “Maiteko a bakanoki ba segompieno a go bopa hisitori ya Bibela sesha—ka sekai, pono ya ga Wellhausen ya gore dinako tsele tsa ditlhogo tsa lotso di ne di tshwantshetsa dinako tsa bogosi jo bo kgaoganeng; kana ya go ganela gore dilo tse di malebana le Moshe le phudugo ke tsa mmatota go ya ka hisitori mme ga felela ka gore hisitori ya Baiseraele e bopiwe sesha ke Noth le balatedi ba gagwe—ga a a ka a falola ka gope seo se supiwang ke boithuta-marope gammogo le seo se bolelwang ke Bibela.”⁠14

Go Wa ga Jeriko

24. Bibela e re bolelela tshedimosetso efe malebana le go wa ga Jeriko?

24 A seno se raya gore ka metlha boithuta-marope bo dumalana le Bibela? Nnyaa, go na le dilo di le dintsi tse di sa dumalaneng mo go tsone. E nngwe ya tsone ke go fenngwa go go gakgamatsang ga Jeriko goo go ileng ga tlhalosiwa mo tshimologong ya kgaolo eno. Go ya ka Bibela, Jeriko e ne e le motse wa ntlha go ka fenngwa ke Joshue fa a ne a etelela Baiseraele pele go ya kwa lefatsheng la Kanana. Tsela ya Bibela ya go bala nako e bontsha gore motse ono o no wa wa mo sephatlhong sa ntlha sa lekgolo la bo-15 la dingwaga B.C.E. Morago ga gore Jeriko e fenngwe jalo, e ne ya lailwa ka molelo mme e ne ya tlogelwa jalo o sena banni ka dingwaga di le makgolokgolo.—Yoshue 6:1-26; 1 Dikgosi 16:34.

25, 26. Baithuta-marope ba ile ba fitlhelela ditshwetso dife tse pedi morago ga ba sena go epolola Jeriko?

25 Pele ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, Moperofesara John Garstang o ne a epa lefelo leo go dumelwang gore e ne e le Jeriko. O ne a lemoga gore motse ono e ne e le wa bogologolo thata mme o ne wa senngwa gantsintsi wa ba wa nna wa agiwa sesha. Garstang o ne a fitlhela gore mo go nngwe ya go senngwa ga motse ono, dipota tsa one di ne tsa wa jaaka ekete di ne di digiwa ke thoromo ya lefatshe, mme motse ono o ne wa lailwa ka molelo. Garstang o ne a dumela gore seno se ne sa diragala mo e ka nnang ka 1400 B.C.E., eseng kgakala go le go kalo le letlha leo Bibela e bontshang gore Joshue o ne a senya Jeriko ka lone.⁠15

26 Morago ga ntwa, moithuta-marope yo mongwe, ebong Kathleen Kenyon, o ne a epolola Jeriko go ya pele. O ne a swetsa ka gore dipota tse di oleng tseo di neng di bonwe ke Garstang di ne di na le tsa go tloga ka dingwaga di le makgolokgolo pele ga nako e a neng a e akanya. O ne a lemoga go senngwa go gogolo ga Jeriko go go neng ga diragala ka lekgolo la bo-16 la dingwaga B.C.E. mme a re go ne go sena motse ope mo lefelong leno la Jeriko ka lekgolo la dingwaga la bo-15—eleng nako eo Bibela e bolelang gore Joshue o ne a tlhasela naga eno ka yone. O tswelela pele ka go bega dilo tse gongwe di ka bontshang go senngwa go gongwe goo go ka nnang ga bo go ile ga diragala mo lefelong leno ka 1325 B.C.E. mme o akgela jaana: “Fa e le gore go senngwa ga Jeriko go amana le go tlhaselwa ga yone ke Joshue, letlha leno [la bofelo] ke lone leo boithuta-marope bo le akantshang.”⁠16

27. Ke ka ntlhayang fa go se tshwane magareng ga boithuta-marope le Bibela go sa tshwanela go re tshwenya go le go kalo?

27 A seno se raya gore Bibela e phoso? Legoka. Re tshwanetse ra gakologelwa gore lemororo boithuta-marope bo re sedimosetsa ka seo se diragetseng mo nakong e e fetileng, ga se gore ka metlha ke tshedimosetso e e utlwalang sentle. Ka dinako tse dingwe ke e e letobo kwantle ga pelaelo. Jaaka fa moakgedi mongwe a ne a tlhalosa jaana: “Ka maswabi, bosupi jo bo neelwang ke boithuta-marope ga bo a felela, mme ka ntlha ya moo bo bonnyane.”⁠17 Go ntse jalo segolo-bogolo ka dinako tsa pele tsa hisitori ya Iseraele, moo bosupi jo bo neelwang ke boithuta-marope bo sa utlwaleng sentle gone. Eleruri, ebile bosupi jono ga bo utlwale sentle le eleng go feta moo ka Jeriko, ereka lefatshe leno le ile la kgogolega mo go maswe.

Makoa a Boithuta-Marope

28, 29. Ke makoa afe ao boithuta-marope bo nang le one ao bakanoki bangwe ba ileng ba a dumela?

28 Baithuta-marope ka bobone ba a dumalana gore boitseanape jwa bone bo na le makoa. Ka sekai, Yohanan Aharoni o tlhalosa jaana: “Fa go tsenwa mo go tlhaloseng hisitori kana dilo tse di amanang le hisitori le thuta-fatshe, moitseanape o a tswa mo go tsa saense, mme o tshwanelwa ke gore a ikaege ka ditshwetso tsa gore a selo se molemo kana se bosula le ka bosupi jo bo sa felelang gore a tle a kgone go fitlhelela tlhaloso e e feletseng e e dumalanang le hisitori.”⁠18 Malebana le matlha a ba bolelang gore dilo tse di farologaneng tse ba di boneng di na le one, o oketsa jaana: “Ka jalo, ka metlha re tshwanetse ra gakologelwa gore ga se matlha otlhe ao a senang diphoso mme a belaelwa ka ditsela tse di farologaneng,” lemororo a ikutlwa gore baithuta-marope ba segompieno ba na le tsholofelo e kgolwane mo matlheng a bone go gaisa jaaka go ne go ntse bogologolo.⁠19

29 The World of the Old Testament e botsa jaana: “Mokgwa ono wa boithuta-marope tota o boammaaruri go le kana kang kana o dumalana go le kana kang le saense?” E araba ka go re: “Baithuta-marope ba boammaaruri thata fa ba epolola dintlha dingwe go gaisa fa ba di tlhalosa. Mme dilo tse ba amegileng ka tsone thata jaaka e le batho le bone di tla ama le yone mekgwa eo ba e dirisang fa ba ‘epa.’ Ga go seo ba ka se dirang fa ese go senya bosupi joo ba nang le jone fa ba ntse ba epela kwa botennyeng jwa lefatshe, ka jalo ga ba kake ba leka ‘tekeletso’ ya bone ka go e boeletsa gape. Seno se dira gore boithuta-marope e nne selo sa mofuta wa sone fela mo saenseng. Mo godimo ga moo, se dira gore pego ya tsa boithuta-marope e nne namane e tona ya tiro le e e tletseng ka dirai di le dintsi.”⁠20

30. Diithuti tsa Bibela di leba boithuta-marope jang?

30 Ka jalo boithuta-marope bo ka nna le thuso e kgolo, mme fela jaaka boiteko bongwe le bongwe jo bo dirwang ke motho, bo na le diphoso. Fa re sekaseka dithuto tsa boithuta-marope ka kgatlhego, le ka motlha ga re a tshwanela go di leba jaaka boammaaruri jo bo ka sekeng jwa ganediwa. Fa baithuta-marope ba tlhalosa seo ba se boneng mme ba se tlhalosa ka tsela eo e ganetsanang le ya Bibela, ga go a tshwanelwa ga tsewa fela gore Bibela e phoso mme baithuta-marope ba siame. Go a itsege gore ditlhaloso tsa bone di a ke di fetolwe.

31. Ke tlhagiso efe e ntšha eo e ileng ya ntshiwa bosheng jaana e e malebana le go wa ga Jeriko?

31 Go a kgatlhisa go lemoga gore ka 1981 Moperofesara John J. Bimson o ne a tlhatlhoba go senngwa ga Jeriko gape. O ne a sekaseka ka tlhoafalo go senngwa ka molelo ga Jeriko goo—go ya ka Kathleen Kenyon—go neng ga diragala mo bogareng jwa lekgolo la bo-16 la dingwaga B.C.E. Go ya ka ene, ga e se go senngwa gono fela go go neng go dumalana le seo Bibela e se begang malebana le fa Joshue a ne a senya motse ono mme gape seo boithuta-marope bo se boneng kwa Kanana yotlhe se dumalana ka botlalo le seo Bibela e se tlhalosang ka Kanana fa Baiseraele ba ne ba e thopa. Ka ntlha ya moo, o tlhagisa gore matlha a boithuta-marope a phoso mme o tlhalosa gore tota go senngwa gono go ne ga diragala mo bogareng jwa lekgolo la bo-15 la dingwaga B.C.E., ka nako eo Joshue a neng a tshela ka yone.⁠21

Bibela Ke Hisitori ya Boammaaruri

32. Ke tshekamelo efe eo e ileng ya lemogiwa mo gare ga bakanoki bangwe?

32 Seno se bontsha gore gantsi baithuta-marope ba ganetsana ka bobone. Ka jalo he, ga go gakgamatse go bo bangwe ba bone ba sa dumalane le Bibela fa ba bangwe bone ba dumalana le yone. Lefa go le jalo, baithuti bangwe jaanong ba tlotla hisitori ya Bibela ka kakaretso, kana ba tlotla ntlha nngwe le nngwe ya yone. William Foxwell Albright o ne a emela setlhopha sengwe se a dumalanang naso ka mogopolo fa a ne a kwala jaana: “Batho ka bontsi ba boela mo go lemogeng ka moo hisitori ya bodumedi ya Iseraele e leng boammaaruri ka gone, ka kakaretso gammogo le dintlha dingwe le dingwe tsa yone. . . . Ka bokhutshwane, re ka boela gape ra tsaya Bibela go tloga kwa tshimologong ya yone go ya kwa bokhutlong jwa yone jaaka lekwalo le le boammaaruri la hisitori ya bodumedi.”⁠22

33, 34. Dikwalo tsa Sehebera ka botsone di neela jang bosupi jwa gore di boammaaruri go ya ka hisitori?

33 Tota-tota, Bibela ka boyone e itshupa gore ke hisitori e e boammaaruri. Ditiragalo tsa yone di nyalana le dinako tse di rileng le matlha a a rileng, go farologana le ditlhamane tse dintsi tsa bogologolo tala le dinoolwane tsa gone. Ditiragalo di le dintsi tseo di begilweng mo Bibeleng di tshegediwa ke mekwalo e e leng ya dinako tseo. Kwa go nang le pharologano gone magareng ga Bibela le mekwalo e mengwe ya bogologolo, go se tshwane gono gantsi go ka tsewa e le ka go bo babusi ba bogologolo ba ne ba sa rate fa go begwa ka ga go fenngwa ga bone le go bo ba ne ba batla gore go tlotlomadiwe katlego ya bone.

34 Eleruri, bontsi jwa mekwalo eo ya bogologolo e tletse ka megopolo eo e dumeletsweng semmuso ya go anamisa maikaelelo a a rileng e mentsi go feta hisitori eo e nang le yone. Phapaanong le seo, bakwadi ba Bibela ba bontsha go bua puo phaa goo go bonwang sewelo. Go bolelwa ka batho ba bogologolo tala ba ba ntseng jaaka Moshe le Arone go senolwa le makoa a bone le dikgono tsa bone. Go senolwa tota le makoa a ga kgosi e kgolo Dafide ka boikanyego. Gangwe le gape go bolelwa ka diphoso tseo morafe ono otlhe o neng o di dira. Go bua gono ka tshosologo go supa gore Dikwalo tsa Sehebera di boammaaruri ebile di a ikanyega ebile go dira gore mafoko ano a ga Jesu a nne le boleng, yoo, e neng ya re fa a ne a rapela Modimo, a neng a re: “Lehoko ya gago ke boamarure.”—Yohane 17:17.

35. Batho ba ba ikaegang ka ditlhaloganyo tsa bone fela fa ba akanya ba ile ba palelwa ke go dirang, mme diithuti tsa Bibela di ikaega ka eng gore di bontshe gore Bibela e tlhotlheleditswe?

35 Albright o ne a tswelela pele ka go re: “Mo go sengwe le sengwe fela diteng tsa Bibela di gaisa dibuka tsotlhe tsa pele tsa bodumedi kgakala; ebile e gaisa dibuka tsotlhe tse di tlileng morago ga yone kgakala ka ntlha ya go bo molaetsa wa yone o le bonolo ebile e le wa gongwe le gongwe o ikuela ka botlalo go batho ba mafatshe otlhe le ka dinako tsotlhe.”⁠23 Ke ‘molaetsa ono o o gaisang e mengwe kgakala,’ eseng bosupi jo bo neelwang ke bakanoki oo o bontshang gore Bibela e tlhotlheleditswe, jaaka fa re tla bona mo dikgaolong tsa moragonyana. Mme a re ke re tlhokomeleng fano gore batho ba segompieno ba ba ikaegang ka ditlhaloganyo tsa bone fela fa ba akanya ba ile ba palelwa ke go bontsha gore Dikwalo tsa Sehebera ga se hisitori ya boammaaruri, lemororo dibuka tseno ka botsone di supa ka botlalo gore di boammaaruri. A go ka buiwa se se tshwanang le ka Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, eleng “Tesetamente E Ntšha”? Re tla sekaseka seno mo kgaolong e e latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo” (kana “mokgwa wa go tshwaya diphoso go ya ka ditiragalo”) ke lefoko le le dirisediwang go tlhalosa mokgwa wa go ithutela Bibela go batlisisa dintlha tse di jaaka gore buka nngwe le nngwe e kwadilwe ke mang, motswedi wa tshedimosetso ya se se kwadilweng mo go yone, le nako ya go kwalwa ga yone.

b Ka sekai, mmoki wa Moesemane ebong John Milton o ne a kwala leboko la gagwe la maemo a a kwa godimo le leteleletelele la “Paradise Lost” ka mokgwa o o farologaneng thata fela le wa leboko la gagwe la “L’Allegro.” Mme dipampitshana tsa gagwe tsa sepolotiki di ne di kwadilwe ka mokgwa o mongwe fela o sele.

c Bontsi jwa batlhalefi gompieno ba rata go ikaega ka tlhaloganyo ya bone fela. Go ya ka bukamantswe, go ikaega ka tlhaloganyo fela go raya “go ikaega ka seo motho a se akanyang e le sone motheo wa go tlhomamisa boammaaruri jwa bodumedi.” Batho ba ba ikaegang ka tlhaloganyo ya bone fela ba leka go tlhalosa sengwe le sengwe go ya ka tsela eo motho a lebang dilo ka yone go na le gore ba akanyetse ntlha ya gore go bo go ka kgonega gore selo se bo se ile sa dirwa ke Modimo.

d Se se kgatlhisang ke gore, sefikantswe sa mmusi mongwe wa bogologolo seo se neng sa fitlhelwa kwa Syria bokone ka bo 1970 se ne se bontsha gore go ne go itsiwe gore mmusi o ne a bidiwa kgosi fa, totatota, a ne a na le boemo jo bo kwa tlasenyana. Sefikantswe seno e ne e le sa mmusi mongwe wa Gosane mme se ne se kwadilwe ka Se-Asiria le Se-Arame. Mokwalo wa Se-Asiria o ne o bitsa monna yono o re ke mmusi wa Gosane, mme mokwalo wa Se-Arame o o tshwanang nao o ne o mmitsa kgosi.⁠9 Ka jalo e ne e tla bo e se selo se se sa tlwaelegang gore Beleshasare a bidiwe kgosana e e rwesitsweng serwalo sa bogosi mo mekwalong ya Babelona mme mo mokwalong wa Se-Arame wa ga Daniele a bo a bidiwa kgosi.

[Mafoko a a mo go tsebe 53]

Go farologana le dihisitori tsa lefatshe tsa bogologolo tala, Bibela ka mo go totobetseng e bega ka ga makoa a batho ba ba neng ba tlotlega ba ba ntseng jaaka Moshe le Dafide

[Lebokoso mo go tsebe 44]

Moo Boithuta-Marope Bo Leng Botlhokwa Gone

“Boithuta-marope bo neelana ka sekao sa didirisiwa tsa bogologolo le dilwana tse dingwe, mabota le dikago, dibetsa le dilo tse di dirisiwang go kgabisa. Bontsi jwa dilo tseno di ka rulaganngwa go ya ka dinako tsa tsone mme tsa bolelwa ka boikanyegi gore ke eng ka tshwanelo le tsela eo di neng di dirisiwa ka yone jaaka di kaiwa mo Bibeleng. Ka tsela eno Bibela e boloka mekgwa ya yone ya bogologolo ka tsela ya boammaaruri e le mo lekwalong. Dintlha kaga dipolelo tse di mo Bibeleng ga se dilo fela tseo di ileng tsa ikakanyediwa ke mokwadi mme go na le moo di re bontsha ka mo go tlhomameng lefatshe leo ditiragalo tseno tse di begilweng tsa go tloga ka dilo tse di gone mo lefatsheng go fitlha ka dikgakgamatso, di diragetseng mo go lone.”—The Archaeological Encyclopedia of the Holy Land.

[Lebokoso mo go tsebe 50]

Seo Boithuta-Marope Bo Ka Se Dirang le Seo Bo Ka Se Kang Jwa Se Dira

“Boithuta-marope ga bo dumalane le Bibela ebile ga bo e ganetse ka tsela eo e ka sekeng e ganediwe, mme bo na le dilo tse dingwe tseo bo di dirang, tse eleng tsa botlhokwatlhokwa. Bo fitlhelela go ya bokgakaleng jo bo rileng lefatshe leo Bibela eleng yone e ileng ya akanya ka lone pele. Go itse gore, ntlo e ne e agilwe ka eng, kana gore ‘lefelo la godimo’ le ne le ntse jang, go dira gore re tlhaloganye kgang eo ka mo go oketsegileng. Sa bobedi, bo tlatsa pego ya ditiragalo mo e tlogetsweng teng. Ka sekai, Leje la Moaba, le neela karolo e nngwe ya kgang eo e tlotliwang mo go 2 Dikgosi 3:4 le mo ditemaneng tse di latelang. . . . Sa boraro, e senola ka moo merafe e e neng e dikologile Iseraele wa bogologolo e neng e tshela ka gone le ka moo e neng e akanya ka gone—seo ka bosone eleng selo se se kgatlhisang, le seo se bontshang gore tsela ya go akanya ya Iseraele wa bogologolo e goletse mo gare ga batho ba ba nang le megopolo e e ntseng jang.”—Ebla—A Revelation in Archaeology.

[Setshwantsho mo go tsebe 41]

Milton o ne a kwala ka mekgwa e e farolo-ganeng, eseng ka o le mongwe fela. A batshwaya-diphoso ba maemo a a kwa godimo ba dumela gore dibuka tsa gagwe di kwadilwe ke bakwadi ba le mmalwa ba ba farologaneng?

[Setshwantsho mo go tsebe 45]

Pego E E Kgaogantsweng ka Ditemana E E ka ga Nabonidase le bega gore Nabonidase o ne a neela morwaawe wa maitibolo bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 46]

Letlapa la Moaba le neela pego ya ga Kgosi Mesha ya kgotlhang e e neng e le gone mo gare ga Moaba le Iseraele

[Setshwantsho mo go tsebe 47]

Dipego tsa semmuso tsa Babelona di tshegetsa pego ya Bibela ya go wa ga Jerusalema

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela