LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g23 no. 1 ts. 12-14
  • Moya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya
  • Tsogang!—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Direga Eng ka Moya?
  • Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri
  • Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono
  • Se Baebele e se Buang
  • Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!
    Tsogang!—1996
  • Nna o Ikobetse ‘Moya o o Rudisang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditoropo Tse Dikgolo di Nnela go Hupela
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2023
g23 no. 1 ts. 12-14
Banyalani ba tsamaya mo mokgokoloseng o o apesitsweng ke kapoko, ba lebile letšha le le dikologilweng ke dithaba tse di tletseng ditlhare mme loapi lo apogile.

A BATHO BA TLA NYELETSA LEFATSHE?

MOYA

RE TLHOKA moya, mme ga re o tlhokele go hema fela. Moya o sireletsa polanete ya rona gore e se ka ya senngwa ke marang a letsatsi a a kotsi. Fa go ne go se na moya, dithemperetšha mo lefatsheng di ka bo di le kwa tlase ka tsela e e feteletseng.

Go Direga Eng ka Moya?

Moya o o kgotletsweng o ka bolaya ditshedi tse di mo lefatsheng. Go ya ka World Health Organization, ke batho ba le mmalwa fela ba ba hemang moya o o phepa.

Moya o o kgotletsweng o ka baka malwetse a go hema, kankere ya makgwafo le malwetse a pelo. Gape o dira gore batho ba ka nna 7 000 000 ba swe ka bonako ngwaga le ngwaga.

Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri

Lefatshe le bopilwe ka tsela e e dirang gore le kgone go tlamela ditshedi tsotlhe ka moya o o phepa. Mme gone, le ka kgona go dira jalo fa fela batho ba ka se ka ba kgotlela tikologo. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

  • Batho ba le bantsi ba a itse gore dikgwa di kgona go monya khabonetaeokosaete go tswa mo moyeng. Mme gone mafelo a a emang metsi thata a a fa lotshitshing lwa lewatle, a ditlhare tsa mangrove di golang mo go one, a kgona go dira seo botoka thata. Ditlhare tsa mangrove di kgona go monya khabonetaeokosaete go tswa mo moyeng makgetlo a le matlhano go feta kafa dikgwa di dirang ka gone.

  • Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore dimela tsa mo lewatleng tse di jaaka kelp di kgona go monya khabonetaeokosaete go tswa mo moyeng. Dikarolo tsa semela sa kelp tse di tshwanang le matlhare di na le dikgetsinyana tse di tletseng moya, tse di di thusang gore di kgone go tsamaya di kokobetse mo metsing sekgala se seleele. Fa matlhare ano a setse a le mo gare ga lewatle kgakala le lotshitshi, dikgetsinyana tsele di a thubega mme matlhare ano a a tletseng khabonetaeokosaete a bo a nwela kwa tlase kwa boalong jwa lewatle. Mme a tla bo a nna teng koo dingwaga di le dintsi.

  • Bokgoni jwa loapi jwa go iphepafatsa fa lo sena go kgotlelwa, bo ne jwa lemotshega sentle ka lockdown ya bolwetse jwa COVID-19. Ka 2020, fa difeketiri le dikoloi tse dintsi di ne di sa tlhole di kgotlela loapi, boleng jwa moya o re o hemang bo ne jwa tokafala ka bonako. Go ya ka “2020 World Air Quality Report,” bontsi jwa dinaga tse go ileng ga dirwa dipatlisiso mo go tsone, di ile tsa bega gore di ne tsa nna le moya o o phepa ka bonakonyana fela fa lockdown e sena go simologa.

    A O NE O ITSE?

    Boleng Jwa Moya O re O Hemang bo ka Tokafala

    Tšhate e e bontshang selekanyo sa dikarolwana tse di kgotlelang moya (PM2.5) Kwa New Delhi kwa India. Ka January 2020, selekanyo seno se ne sa fokotsega go tswa mo go 128.1, e leng selekanyo se se kotsi mo bathong botlhe, go ya go 35.5, e leng selekanyo se se seng kotsi thata, ka August 2020.

    Ka nako ya lockdown ya COVID-19, dilo tse di kgotlelang loapi tse di tswang mo difeketiring le mo dikoloing di ne tsa fokotsega thata kwa New Delhi, kwa India. Selekanyo sa dikarolwana tse di kgotlelang moya (PM2.5) se ne sa fokotsega ka bonako. Dikarolwana tseno (tsa bogolo jwa .0025 mm kgotsa kwa tlase) di ka baka mathata a go hema le malwetse a mangwe a a masisi. Go tokafala gono e ne e le ga nakwana fela, mme gone go ne go bontsha kafa loapi lo nang le bokgoni jwa go iphepafatsa ka gone fa lo sena go amiwa ke dilo tse di lo kgotlelang.

    New Delhi kwa India, kwa bowelong jwa 2019, setshwantsho se se bontshang loapi lo lo letobo ka ntlha ya go kgotlelwa ga moya.

    © Amit kg/​Shutterstock

    Kwa bowelong jwa 2019

    New Delhi kwa India, ka lockdown ya COVID-19, setshwantsho se se bontshang loapi lo lo apogileng ka gonne go kgotlelwa ga moya go fokotsegile.

    © Volobotti/​Shutterstock

    Ka lockdown ya COVID-19

Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono

Monna o phaka baesekele ya gagwe fa a fitlha kwa tirong.

Go ya tirong ka dibaesekele go ka fokotsa go kgotlelwa ga moya

Dipuso di tsweletse ka go laela bagwebi gore ba fokotse go kgotlela loapi. Mo godimo ga moo, baitsesaense ba ntse ba dira ditsela tse disha tsa go baakanya ditlamorago tsa go kgotlelwa ga loapi. Ka sekai, thulaganyo e nngwe e dirisa megare go fetola dilo tse di kgotlelang moya gore di se ka tsa nna kotsi. Gape babatlisisi ba kgothaletsa batho gore ba tsamaye ka dinao kgotsa ba dirise dibaesekele go na le go dirisa dikoloi le gore ba batle ditsela tsa go dirisa motlakase o monnye mo magaeng a bone.

Mosadi o ntse fa fatshe mo ntlong o apeile. O dirisa setofo se sennye se se sa ntsheng mosi o montsi.

Dipuso dingwe di abela baagi ba tsone ditofo tse di sa kgotleleng moya mme batho ba le bantsi ba sa ntse ba se na tsone

Mme gone go tlhokega mo gontsi jaaka re bona mo pegong ya ngwaga wa 2022 e e neng ya kwalwa ke ditheo tse di farologaneng tsa lefatshe lotlhe, tse di akaretsang World Health Organization le World Bank.

Pego eo e tlhalosa gore ka 2020, mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le bararo mo lefatsheng lotlhe, o ne a dirisa dilo tse di kgotlelang loapi fa a apaya. Mo mafelong a le mantsi, ke batho ba le mmalwa fela ba ba ka kgonang go reka ditofo kgotsa go dirisa ditukisi tse dingwe.

Se Baebele e se Buang

“Seno ke se Modimo wa boammaaruri, Jehofa, a se buang, Mmopi wa magodimo le . . . Ene yo o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, Ene yo o nayang batho ba ba mo go lone mohemo.”​—Isaia 42:5.

Modimo o dirile moya o re o hemang le medikologo ya tlholego e e phepafatsang moya oo, mme o na le maatla a a sa feleng e bile o rata batho. Ka jalo, go a utlwala go dumela gore o tla tlosa dilo tsotlhe tse di kgotletseng moya. Bona setlhogo se se reng, “Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri.”

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Setshwantsho sa Lefatshe se se tserweng ke motho a le kwa lefaufaung.

Go tlile jang gore lefaufau le nne gone? Leba bidio ya setlhogo se se reng, A go Na le Mongwe yo o Dirileng Lobopo? mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela