LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/91 ts. 5
  • Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 4/91 ts. 5

Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo

Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tseo di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo tsa dibeke tsa January 7 go ya go April 22, 1991. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo go yone ka nako eo e beilweng.

[Tlhokomediso: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Bibela fela eo e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Ditshupiso tseo di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo ditshupisong tsotlhe tsa Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. Go ithiba mo mading go raya gore o se ka wa a tsenya mo mmeleng wa gago ka tsela le fa e ka nna efe kana ka mokgwa lefa e ka nna ofe. [peTN kgao. 25 dir. 22, 23]

2. Fa Paulo a ne a nna Mokeresete, go ne go le bonolo mo go ene gore a dire se se siameng. [peTN kgao. 26 ser. 15]

3. Motho yo o kgatlhegelang boammaaruri ga a a tshwanela go nna mmoledi wa Bogosi go fitlhela a kolobediwa. [wTN88 11/15 ts. 16]

4. Madi ke motswi wa masula mangwe le mangwe. [Mmalo wa Bibela wa beke beke; bona wTN85 7/15 ts. 28.]

5. Malatsi a boikhutso a Ista a ne a sa ketekwe ke Bakeresete ba bogologolo. [peTN kgao. 25 ser. 16]

6. Polelo e e reng “dikolobetso tse di farologaneng” e bua ka mekgwa ya bodumedi ya go kolobetsa ya dikopi le dinkgwana eo e neng e dirwa ke Bajuda. (Baheb. 9:10, NW) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 2/15 ts. 24.]

7. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore bao ba neng ba sa bereke ga ba a tshwanela go ja. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 1/15 ts. 23.]

8. Go “bolokwa ka pèlègō” go bolela gore go tsala bana go ka felela ka gore o bolokelwe ruri. (1 Tim. 2:15) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 1/15 ts. 30.]

Araba dipotso tse di latelang:

9. Ke ka ntlha yang fa bopelotshetlha bo bapisiwa le tirelo ya medimo ya disetwa? (Bakol. 3:5) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w78 4/1 ts. 21.]

10. “Monna oa boleo” ke mang? (2 Bathes. 2:3) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN88 1/15 ts. 12.]

11. “Bosaitseweng jo bo boitshepo” bo kopanyeletsa mang thatathata? (1 Tim. 3: 16) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; wTN88 9/1 ts. 12.]

12. Re ka bontsha Modimo jang gore tota re bolela seo re se buang mo dithapelong tsa rona? [peTN kgao. 27 ser. 11]

13. Ke mo dikgaolong dife di le pedi moo Paulo a neelang lenaane la ditshwanelego tsa balebedi? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke]

14. Taratarose ke eng? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN 3/15 ts. 31.]

15. “Batlotlegi” bao go buiwang ka bone mo go Yude 8 e ne e le bomang? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 4/15.]

16. Ke kae mo Lefokong la Modimo moo re bonang taelo malebana le tsela eo re tshwanetseng ra ikutlwa ka yone malebana le batenegi? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 4/15.]

Tsenya lefoko kana polelwana eo e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe ya tse di latelang:

17. Bakaulengwe ba tshwanetse ba tshwara basadi bagolo ba ba leng mo phuthegong jaaka ․․․․․․․ le basadi ba babotlana jaaka ․․․․․․․ ka boitsheko jotlhe fela. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN74 5/1 ts. 119.]

18. Basha ba Bakeresete bao ba ganang dithaelo le dikgatelelo tsa balekane le barutabana kwa sekolong ba latela dikao tsa ga ․․․․․․․. [wTN88 12/1 ts. 17]

19. Gore a nne yo o kgatlhisang eletota, mosadi wa Mokeresete ga a tshwanela fela gore a apare ka tsela e e bori mme gape a nne le ․․․․․․․. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 3/15 ts. 30.]

20. ․․․․․․․ e tlhotlheletsa motho gore a ineele mo Modimong mme a kolobediwe. [wTN89 1/15 ts. 15]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang:

21. Hisitori e bontsha gore go itshekisiwa ga Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng go ne ga simolola ka (1919, 1918, 1935). [wTN89 6/1 ts. 19]

22. Ka (Letsatsi la Pentekoseta, Letsatsi la Tlolaganyo, Letsatsi la Tetlanyo) moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse a tlhapa nama ya gagwe gabedi mo metsing. [wTN89 6/1 ts. 19]

23. (Kgosi Solomone, Kgosi Dafide, Kgosi Lemuele) o tlhalosa ka dikarolo tse di farologaneng tsa mosadi yo o senatla mo go Diane 31. [wTN89 5/15 ts. 18]

24. (Petere, Jakobe, Jesu Keresete) e ne e le sekao se se lapolosang sa ka moo banna ba tshwanetseng ba bontsha botlhogo jo bo lorato ka gone. [wTN89 5/15 ts. 11]

Tsenya dikwalo tse di latelang mo di tshwanetseng teng mo dipolelong tse di thathamisitsweng fa tlase tseno:

1 Bathes. 5:8; Baheb. 13:17; Yak. 1:2, 3; 1 Pet. 3:7

25. Gore Bakeresete ba tle ba boloke bothokgami, ba tlhoka seaparo seno sa tlhabano sa semoya. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 1/15 ts. 22.]

26. Lebaka la go bo Bakeresete ba tshwanetse ba ineela kafa tlase ga bao ba ba eteletseng pele. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 2/15 ts. 25.]

27. Bakeresete ba ka itumela go sa kgathalesege diteko. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN91 3/15 ts. 23.]

28. Go diregang fa banna ba palelwa ke go neela basadi ba bone tlotlo. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela