Letlole la Dipotso
◼ A phuthego e tshwanetse ya nna le faele ya Tirelo ya Rona ya Bogosi?
Mo tokololong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1972, go ne ga tlhalosiwa gore ke selo se se botlhale go nna le faele ya ditokololo tsa kgwedi nngwe le nngwe tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi mo laeboraring ya Holo ya Bogosi gore e tle e dirisiwe fa go dirwa ditshupiso. E santse e le selo se se tshwanetseng go nna le faele e e ntseng jalo mo laeboraring nngwe le nngwe ya Holo ya Bogosi gore e tle e dirisiwe ke bagolwane le baboledi.
Fa faele e e ntseng jalo e le gone, baboledi ba ka leba dintlha tsa nako e e fetileng tseo di amanang le dilo tseo di ka buiwang mo tirelong ya tshimo, go tshwara dithuto tsa Bibela, go dira maeto a go boela, le tse dingwe. Go ka bonwa dikakantsho tse di molemo tseo di ka dirisiwang mo bodiheding. Ditokololo tsa bosheng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di umaka gangwe le gape ditokololo tseo di neng tsa gatisiwa pele bakaulengwe bangwe ba kopanela le phuthego. Batho bao ba sa tswang go kopanela bosheng ba ka solegelwa molemo thata fa faele eno e bolokiwa e le gone.
Bagolwane ba tshwanetse ba abela ekane e le molebedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo kana motlhanka wa bodihedi yo o tshwanelegang gore a tlhokomele gore faele eno e bolokwa e na le ditokololo tsotlhe tsa kgwedi nngwe le nngwe. Le mororo tshedimosetso eo e neelwang mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi e le dikakantsho fela mme e se melao e e tlamang, e santse e le motswedi o o molemo wa dintlha tseo go ka dirwang ditshupiso mo go tsone tseo e tshwanetseng ya nna karolo ya laeborari nngwe le nngwe ya phuthego ya Holo ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, ditokololo tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tsa nako e e fetileng ga di ka ke tsa otoriwa go tswa kwa Mokgatlhong.