Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Apr. 15
“Gongwe le gongwe koo batho ba nnang gone, ba batla go ikutlwa ba babalesegile, ba batla dilo tse di jaaka go bona tiro e e molemo le go tshwarelela mo go yone. Le fa go ntse jalo, a o kile wa akanyetsa ntlha ya gore go na le motswedi wa pabalesego e e nnelang ruri, e e tla dirang gore o nne o babalesegile ka bosakhutleng? [Bala Pesalema 16:8, 9.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa gore re ka bona kae pabalesego ya mmatota.”
Tora ya Tebelo May 1
“A o itse mongwe yo o lwalang thata kana yo o nang le bokoa bongwe? Kwantle ga pelaelo o dumela gore batho bano ba tlhoka go kgothadiwa. Le fa go ntse jalo, re ka ba kgothatsa jang? Baebele e na le mafoko a a re nayang tsholofelo. [Bala Isaia 35:5, 6.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa lebaka la go bo re ka tlhomamisega gore boporofeti jono bo tla diragadiwa.”
Tsogang! May 8
Mo ngwageng o o fetileng, kagiso ya batho e ntse e le mo kotsing go feta le fa e le leng pele. A o akanya gore dipuso tsa batho di ka kgona go tlisa kagiso mo lefatsheng? [Fa a sena go araba, bala Isaia 2:4.] Makasine ono wa Tsogang! o bontsha lebaka la go bo re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae kagiso ya lefatshe e tla nna selo sa mmatota.”
“Gompieno batho ba le bantsi ba tlogela dikereke tsa bone tse di tlwaelegileng gore ba ye go obamela Modimo ka tsela ya bone. O ikutlwa jang ka mokgwa ono? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bontsha gore mo Modimong go botlhokwa go tlhokomela tsela e re mo obamelang ka yone. [Bala Johane 4:24.] Makasine ono wa Tsogang! o bua ka tsela e e molemolemo ya go bona dilo tse re di tlhokang semoyeng.”