Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2000
DITAELO
Ka 2000 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika [bi7-TN], Tora ya Tebelo [w-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola” [si-TN], Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN] le “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika [td-TN].
Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tse dikhutshwane tsa go amogela ba ba leng gone. Ga go tlhokege gore molebedi wa sekolo a sobokanye dipuo tse di tlileng go neelwa mo thulaganyong. Fa a itsise puo nngwe le nngwe, o tla umaka setlhogo se go tla tlotliwang ka sone. Tswelela jaana:
PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tsewa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, kana mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola,” e tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go 12, morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng eno ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo yotlhe fela mme e nne go supa kafa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e tshwanetse go tlhalosa se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng.
Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore se neelwe kgakololo.
DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Ga e tlhoke setlhogo. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya gore ke eng se se mo dikgaolong tsotlhe tse di abetsweng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga moo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.
PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abetsweng gore o neelwe ke mokaulengwe. Seno se tla dirwa mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutshwane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti gore a dire ditlhaloso tse dikhutshwane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang kafa ditiragalo tsa nako e e fetileng, boporofeti kana dithuto tsa motheo di dirang ka gone le kafa go leng botlhokwa ka gone go dirisa melaometheo ya yone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse a tla di balang fa e le gore ditemana tseo ga di latelane.
PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Seting e ka nna ya bosupi jo e seng jwa tlwaelo, go dira loeto lwa go boela, kana thuto ya legae ya Baebele mme batsayakarolo ba ka nna ba bo ba ntse fa fatshe kana ba eme. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona tsela e moithuti a tlhalosang setlhogo se a se abetsweng ka yone le tsela e a thusang mong wa ntlo go akanya ka dikwalo ka yone. Moithuti yo o abetsweng puo eno o tshwanetse a bo a itse go bala. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme le fa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Ela tlhoko seting mme Baebele e tshwanetse ya dirisiwa ka botlalo.
PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Setlhogo sa puo eno se tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo kana go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se abilweng, mme moithuti o tshwanetse a leka go dirisa dikwalo ka tsela e e molemo. Puo No. 4 e ka neelwa mokaulengwe kana kgaitsadi. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go nna puo e e neelwang a lebile bareetsi botlhe. Fa e abetswe kgaitsadi, e tshwanetse ya neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3. Mo godimo ga moo, nako le nako fa setlhogo sa Puo No. 4 se latelwa ke #, go ka nna molemo fa e ka abelwa mokaulengwe.
*THULAGANYO YA GO THUSA GO BALA BAEBELE: Yone e kwalwa mo masakaneng morago ga nomoro ya pina ya beke nngwe le nngwe. Ka go latela thulaganyo eno, o bala mo e ka nnang ditsebe di le lesome ka beke, o ka kgona go bala Baebele yotlhe mo dingwageng tse tharo. Ga go na dikarolo dipe tsa thulaganyo ya sekolo kana tsa tlhatlhobo e e kwalang tse di tswang mo thulaganyong eno ya mmalo.
ELA TLHOKO: Go bona tshedimosetso le ditaelo tse dingwe malebana le kgakololo, nako, ditlhatlhobo tse di kwalwang le go baakanyetsa dikabelo, tsweetswee bona tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996.
THULAGANYO
Jan. 3 Mmalo wa Baebele: Duteronome 4-6
Pina No. 9 [*Jeremia 49-52]
No. 1: Anaanela Masego a ga Jehofa (w98-TN 1/1 dits. 22-4)
No. 2: Duteronome 6:4-19
No. 3: td-TN 19A Lebaka La go Bo Modimo a sa Amogele Kobamelo ya Bagologolwane
No. 4: Adame le Efa, A ke Batho ba ba Kileng ba Tshela? (rs-TN dits. 25-6)
Jan. 10 Mmalo wa Baebele: Duteronome 7-10
Pina No. 49 [*Dikhutsafalo 1-5]
No. 1: Tlotlomatsa Modimo wa Boammaaruri (w98-TN 1/1 dits. 30-1)
No. 2: Duteronome 8:1-18
No. 3: td-TN 19B Batho ba ka Nna ba Tlotlwa, Mme ke Modimo Fela Yo o Obamelwang
No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Kobamelo ya Bagologolwane E le Ya Lefela? (rs-TN dits. 216-8, ser. 6)
Jan. 17 Mmalo wa Baebele: Duteronome 11-14
Pina No. 132 [*Esekiele 1-9]
No. 1: Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Rulaganyetsa Baratiwa ba Gago Go sa Le Gale (w98-TN 1/15 dits. 19-22)
No. 2: Duteronome 11:1-12
No. 3: td-TN 1A Aramagedona—Ntwa ya go Fedisa Boikepo
No. 4: Baganetsakeresete ke Bomang? (rs-TN dits. 294-5)
Jan. 24 Mmalo wa Baebele: Duteronome 15-19
Pina No. 162 [*Esekiele 10-16]
No. 1: Boammaaruri Bo na Le Maatla a go Fetola le go Lere Kutlwano (w98-TN 1/15 dits. 29-31)
No. 2: Duteronome 19:11-21
No. 3: td-TN 1B Lebaka La go Bo Aramagedona e le Tsela ya Modimo ya go Bontsha Lorato
No. 4: Go Tlhaola Batenegi (rs-TN dits. 122-3)
Jan. 31 Mmalo wa Baebele: Duteronome 20-23
Pina No. 13 [*Esekiele 17-21]
No. 1: Kgopolo ya Dikwalo Malebana le Pako le go Fora (w98-TN 2/1 dits. 29-31)
No. 2: Duteronome 20:10-20
No. 3: td-TN 21A Kolobetso—Ke Patlafalo ya Mokeresete
No. 4: Keresete Ga a Ka a Aga Kereke mo go Petere (rs-TN dits. 360-1, setlhogwana sa ntlha)
Feb. 7 Mmalo wa Baebele: Duteronome 24-27
Pina No. 222 [*Esekiele 22-27]
No. 1: Motheo wa go Nna le Tsholofelo ya Boammaaruri (w98-TN 2/1 dits. 4-6)
No. 2: Duteronome 25:5-16
No. 3: td-TN 21B Kolobetso ga e Tlhatswe Maleo
No. 4: Ke Dilotlolo Dife Tse di Neng Tsa Dirisiwa ke Petere? (rs-TN dits. 361-2)
Feb. 14 Mmalo wa Baebele: Duteronome 28-30
Pina No. 180 [*Esekiele 28-33]
No. 1: Tlhagolela Moya wa go Leboga (w98-TN 2/15 dits. 4-7)
No. 2: Duteronome 28:1-14
No. 3: td-TN 2A Baebele ke Lefoko la Modimo le le Tlhotlheleditsweng
No. 4: Haramagedona e Tlile go Lwelwa Kae? (rs-TN dits. 184-6, setlhogwana sa ntlha)
Feb. 21 Mmalo wa Baebele: Duteronome 31-34
Pina No. 46 [*Esekiele 34-39]
No. 1: Duteronome—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 40-1 dir. 30-4)
No. 2: Duteronome 32:35-43
No. 3: td-TN 2B Baebele—Kaelo e e Mosola ya Motlha wa Rona
No. 4: Go Tla Senngwa Bomang le Eng ka Haramagedona? (rs-TN dits. 186-7, setlhogwana sa ntlha)
Feb. 28 Mmalo wa Baebele: Jošua 1-5
Pina No. 40 [*Esekiele 40-45]
No. 1: Ketapele ya Jošua (si-TN ts. 42 dir. 1-5)
No. 2: Jošua 2:8-16
No. 3: td-TN 2C Baebele—Buka ya Batho Botlhe
No. 4: Haramagedona—Ga se go Senngwa ga Lorato Lwa Modimo (rs-TN ts. 188, setlhogwana sa ntlha)
Mar. 6 Mmalo wa Baebele: Jošua 6-9
Pina No. 164 [*Esekiele 46–Daniele 2]
No. 1: Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona! (w98-TN 2/15 dits. 8-11)
No. 2: Jošua 7:1, 10-19
No. 3: td-TN 26A Ditshelo Tsa Madi di Senya Boitshepo Jwa Madi
No. 4: Go Senya Mpa—Ke Eng fa go Ilediwa? (rs-TN dits. 177-8)
Mar. 13 Mmalo wa Baebele: Jošua 10-13
Pina No. 138 [*Daniele 3-7]
No. 1: Se Baebele e se Bolelang ka Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa Batho (w98-TN 2/15 dits. 23-7)
No. 2: Jošua 11:6-15
No. 3: td-TN 26B A Botshelo Jwa Motho bo Tshwanetse go Bolokwa ka Ditsela Tsotlhe?
No. 4: Lebaka La go Bo Kobamelo ya Bagologolwane e sa Itumedise Jehofa Modimo (rs-TN dits. 218-9)
Mar. 20 Mmalo wa Baebele: Jošua 14-17
Pina No. 10 [*Daniele 8–Hosea 2]
No. 1: Banna ba ba Ikanyegang “ba ba Nang le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona” (w98-TN 3/1 dits. 26-9)
No. 2: Jošua 15:1-12
No. 3: td-TN 41A Metlha ya Baditšhaba e Fedile Leng?
No. 4: Re Tshwanetse ra Ikutlwa Jang ka Batenegi? (rs-TN dits. 124-5)
Mar. 27 Mmalo wa Baebele: Jošua 18-20
Pina No. 105 [*Hosea 3-14]
No. 1: Go Gopola Malatsi a ga Jesu a Bofelo mo Lefatsheng (w98-TN 3/15 dits. 3-9)
No. 2: Jošua 18:1-10
No. 3: td-TN 17A Kereke ya Bokeresete ke Eng?
No. 4: “Batlhatlhami ba Baaposetoloi” ga se Bakeresete ba Boammaaruri (rs-TN dits. 364-6)
Apr. 3 Mmalo wa Baebele: Jošua 21-24
Pina No. 144 [*Joele 1–Amose 7]
No. 1: Jošua—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 45-6 dir. 21-4)
No. 2: Jošua 21:43–22:8
No. 3: td-TN 17B A Petere ke “Lefika”?
No. 4: Ke Bomang ba ba Tla Falolang Haramagedona? (rs-TN ts. 187)
Apr. 10 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 1-4
No. 1: Ketapele ya Baatlhodi (si-TN dits. 46-7 dir. 1-7)
No. 2: Baatlhodi 3:1-11
No. 3: td-TN 43A Saense e e Tlhotlhomisitsweng e Dumalana le Pego ya Baebele ya Tlhōlō
No. 4: Go ka Se Kgonege go Ema Fela o Itlhaotse ka Haramagedona (rs-TN ts. 188, setlhogwana sa bobedi)
Apr. 17 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 5-7
Pina No. 193 [*Mika 6–Sefania 1]
No. 1: Ithute mo Ditaelong Tsa ga Jesu Tse a Neng a di Naya ba ba 70 (w98-TN 3/1 dits. 30-1)
No. 2: Baatlhodi 5:24-31
No. 3: td-TN 43B A Letsatsi Lengwe le Lengwe la Tlhōlō E ne E le La Diura di le 24?
No. 4: Ditšhaba di Kgoromediwa ke Tlhotlheletso ya ga Mang go ya Seemong sa Haramagedona? (rs-TN ts.188)
Apr. 24 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Duteronome 4–Baatlhodi 7
Pina No. 91 [*Sefania 2–Sekaria 7]
May 1 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 8-10
Pina No. 38 [*Sekaria 8–Malaki 4]
No. 1: Tlotla Seriti sa Batho ba Bangwe (w98-TN 4/1 dits. 28-31)
No. 2: Baatlhodi 9:7-21
No. 3: td-TN 35A A Jesu O ne A Swela mo Sefapaanong?
No. 4: Go Tlhaola Babelona wa Tshenolo (rs-TN ts. 28)
May 8 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 11-14
Pina No. 82 [*Mathaio 1-8]
No. 1: Barenabase, “Morwa Kgomotso” (w98-TN 4/15 dits. 20-3)
No. 2: Baatlhodi 13:2-10, 24
No. 3: td-TN 35B A Bakeresete ba Tshwanetse go Obamela Sefapaano?
No. 4: Babelona wa Bogologolo O ne A Itsiwe ka Eng? (rs-TN ts. 28-9, setlhogwana sa bobedi)
May 15 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 15-18
Pina No. 26 [*Mathaio 9-14]
No. 1: Pabalesego ya Lefatshe Go se Na Masole (w98-TN 4/15 dits. 28-30)
No. 2: Baatlhodi 17:1-13
No. 3: td-TN 25A Ke Eng se se Bakileng Loso?
No. 4: Lebaka La go Bo Ditumelo Tse di Reng ke Tsa Bokeresete e le Karolo ya Babelona o Mogolo (rs-TN ts. 31)
May 22 Mmalo wa Baebele: Baatlhodi 19-21
Pina No. 42 [*Mathaio 15-21]
No. 1: Baatlhodi—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 50 dir. 26-8)
No. 2: Baatlhodi 19:11-21
No. 3: td-TN 25B A Baswi Ba ka Go Gobatsa?
No. 4: Lebaka La go Bo go Potlakile go Tswa mo Babelona o Mogolo (rs-TN ts. 31)
May 29 Mmalo wa Baebele: Ruthe 1-4
Pina No. 120 [*Mathaio 22-26]
No. 1: Ketapele ya Ruthe le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 51-3 dir. 1-3, 9-10)
No. 2: Ruthe 3:1-13
No. 3: td-TN 25C A Batho ba ka Kgona go Buisana le Masika a Bone a a Suleng?
No. 4: Se Kolobetso e Leng Sone le Lebaka La go Bo Badumedi ba Kolobediwa (rs-TN dits. 219-20)
June 5 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 1-3
Pina No. 191 [*Mathaio 27–Mareko 4]
No. 1: Ketapele ya 1 Samuele (si-TN dits. 53-4 dir. 1-6)
No. 2: 1 Samuele 1:9-20
No. 3: td-TN 10A A Diabolo ke Motho wa Mmatota?
No. 4: Kolobetso ya Bakeresete—Ga se Ya go Kgatsha, Ga se ya Masea (rs-TN ts. 220, setlhogwana sa ntlha)
June 12 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 4-7
Pina No. 85 [*Mareko 5-9]
No. 1: Jehofa ke Mang? (w98-TN 5/1 dits. 5-7)
No. 2: 1 Samuele 4:9-18
No. 3: td-TN 10B Diabolo—Mmusi wa Lefatshe Yo o Sa Bonaleng
No. 4: Kolobetso ya Metsi ga e Itshwarele Maleo (rs-TN dits. 220-1)
June 19 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 8-11
Pina No. 160 [*Mareko 10-14]
No. 1: Bothokgami bo a Duelwa (w98-TN 5/1 dits. 30-1)
No. 2: 1 Samuele 8:4-20
No. 3: td-TN 10C Se Baebele e se Bolelang ka Baengele ba ba Leofileng
No. 4: Ke Bomang ba ba Kolobediwang ka Moya o o Boitshepo? (rs-TN ts. 221, setlhogwana sa ntlha)
June 26 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 12-14
Pina No. 172 [*Mareko 15–Luke 3]
No. 1: A Dikhumo Di ka Go Itumedisa? (w98-TN 5/15 dits. 4-6)
No. 2: 1 Samuele 14:1-14
No. 3: td-TN 22A Lefatshe—Le ne Le Bopetswe go Nna Paradaise
No. 4: Kolobetso ya Molelo ga e Tshwane le Kolobetso ya Moya o o Boitshepo (rs-TN ts. 223)
July 3 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 15-17
Pina No. 8 [*Luke 4-8]
No. 1: Yunise le Loise—Barutisi ba ba Tlhomang Sekao (w98-TN 5/15 dits. 7-9)
No. 2: 1 Samuele 16:4-13
No. 3: td-TN 22B Botshelo mo Lefatsheng ga bo Kitla bo Khutla
No. 4: Mabaka a go Akanyetsa Baebele (rs-TN dits. 62-3)
July 10 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 18-20
Pina No. 156 [*Luke 9-12]
No. 1: Fitlhelela Pelo ka Tsela ya go Tlhotlheletsa (w98-TN 5/15 dits. 21-3)
No. 2: 1 Samuele 19:1-13
No. 3: td-TN 3A A o Ka Lemoga Baporofeti ba Maaka?
No. 4: Sesupo se se Tswang mo go Isaia sa Gore Baebele e Tlhotlheleditswe (rs-TN ts. 64, ser. 1)
July 17 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 21-24
Pina No. 33 [*Luke 13-19]
No. 1: Sikara Boikarabelo Jwa Lelapa la Gago (w98-TN 6/1 dits. 20-3)
No. 2: 1 Samuele 24:2-15
No. 3: td-TN 32A Phodiso ya Semoya e Botlhokwa go le Kana Kang?
No. 4: Go Diragadiwa ga Boporofeti Jwa ga Jesu go Supa Gore Baebele e Tlhotlheleditswe (rs-TN dits. 65-6)
July 24 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 25-27
Pina No. 60 [*Luke 20-24]
No. 1: Tshiamiso ya Boammaaruri—E Tla Tla Leng Mme Jang? (w98-TN 6/15 dits. 26-9)
No. 2: 1 Samuele 25:23-33
No. 3: td-TN 32B Bogosi Jwa Modimo—Bo Tla Tlisa Kalafi e e Nnelang Ruri ya Mmele
No. 4: Baebele e a Utlwala mo go Tsa Saense (rs-TN dits. 66-7)
July 31 Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 28-31
Pina No. 170 [*Johane 1-6]
No. 1: 1 Samuele—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 57-8 dir. 27-35)
No. 2: 1 Samuele 31:1-13
No. 3: td-TN 32C Phodiso ya Segompieno ga e Tswe Kwa Modimong
No. 4: Go Araba Batho Ba ba Sa Dumeleng mo Baebeleng (rs-TN dits. 68-9)
Aug. 7 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 1-4
Pina No. 22 [*Johane 7-11]
No. 1: Ketapele ya 2 Samuele (si-TN ts. 59 dir. 1-5)
No. 2: 2 Samuele 2:1-11
No. 3: td-TN 32D A go Bua ka Diteme ke Bosupi jo bo Tlhomameng Jwa go Amogelwa ke Modimo?
No. 4: Baebele e Mosola mo Motlheng wa Rona (rs-TN ts. 70)
Aug. 14 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 5-8
Pina No. 174 [*Johane 12-18]
No. 1: “Itekeng ka Tlhagafalo” (w98-TN 6/15 dits. 30-1)
No. 2: 2 Samuele 7:4-16
No. 3: td-TN 23A Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?
No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba sa Keteke Malatsi a Botsalo? (rs-TN dits. 240-1)
Aug. 21 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 9-12
Pina No. 107 [*Johane 19–Ditiro 4]
No. 1: Nna Moagelani yo o Molemo (w98-TN 7/1 dits. 30-1)
No. 2: 2 Samuele 11:2-15
No. 3: td-TN 11A Dihele ga se Lefelo la Tlhokofatso
No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete ba Ithiba mo Mading? (rs-TN dits. 249-50)
Aug. 28 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Baatlhodi 8–2 Samuele 12
Pina No. 177 [*Ditiro 5-10]
Sept. 4 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 13-15
Pina No. 183 [*Ditiro 11-16]
No. 1: Naya Bana ba Gago Tshimologo e Ntle mo Botshelong (w98-TN 7/15 dits. 4-6)
No. 2: 2 Samuele 13:20-33
No. 3: td-TN 11B Molelo ke Tshwantshetso ya go Nyelelediwa Ruri
No. 4: Ke Eng fa Bakeresete ba sa Amogele Ditshelo Tsa Madi? (rs-TN dits. 251-2)
Sept. 11 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 16-18
Pina No. 129 [*Ditiro 17-22]
No. 1: Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa Phitlho (w98-TN 7/15 dits. 20-4)
No. 2: 2 Samuele 16:5-14
No. 3: td-TN 11C Pego ya Monna wa Mohumi le Lasaro ga se Bosupi Jwa Tlhokofatso ya Bosakhutleng
No. 4: Go Araba Dikganetso Tse di Malebana le Pono ya Baebele ka Madi (rs-TN dits. 252-4)
Sept. 18 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 19-21
Pina No. 19 [*Ditiro 23–Baroma 1]
No. 1: A o Ka Ikanya Segakolodi sa Gago? (w98-TN 9/1 dits. 4-7)
No. 2: 2 Samuele 20:1, 2, 14-22
No. 3: td-TN 28A Pono ya Bokeresete ka Mekete
No. 4: “Go Tsalwa Sesha” go Bolelang? (rs-TN dits. 423-4)
Sept. 25 Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 22-24
Pina No. 98 [*Baroma 2-9]
No. 1: 2 Samuele—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 63 dir. 28-31)
No. 2: 2 Samuele 23:8-17
No. 3: td-TN 12A Go Dirisa Ditshwantsho go Tlontlolola Modimo
No. 4: Poloko Ga e A Ikaega ka “go Tsalwa Sesha” (rs-TN dits. 424-5)
Oct. 2 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 1-2
Pina No. 36 [*Baroma 10–1 Bakorintha 3]
No. 1: Ketapele ya 1 Dikgosi (si-TN dits. 64-5 dir. 1-5)
No. 2: 1 Dikgosi 2:1-11
No. 3: td-TN 12B Diphelelo Tsa Kobamelo ya Ditshwantsho
No. 4: “Go Tsalwa Sesha”—Go Dirisana le Dikgopolo Tse di Phoso (rs-TN dits. 426-7)
Oct. 9 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 3-6
Pina No. 106 [*1 Bakorintha 4-13]
No. 1: Dira Gore Dilo Tsa Pele di Tle Pele (w98-TN 9/1 dits. 19-21)
No. 2: 1 Dikgosi 4:21-34
No. 3: td-TN 12C Re Tshwanetse go Obamela Jehofa Fela
No. 4: td-TN 42A #Tsela ya go Tlhakanela Tumelo ga se Tsela ya Modimo
Oct. 16 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 7-8
Pina No. 76 [*1 Bakorintha 14–2 Bakorintha 7]
No. 1: Go Neela Batlotlegi Bosupi (w98-TN 9/1 dits. 30-1)
No. 2: 1 Dikgosi 7:1-14
No. 3: td-TN 42B A Madumedi Otlhe a Siame?
No. 4: td-TN 15A Bakeresete ba Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo
Oct. 23 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 9-11
Pina No. 97 [*2 Bakorintha 8–Bagalatia 4]
No. 1: Pono ya Mokeresete ka Magadi (w98-TN 9/15 dits. 24-7)
No. 2: 1 Dikgosi 11:1-13
No. 3: td-TN 15B Boammaaruri ka go Nna Gone ga Modimo
No. 4: td-TN 15C #Go Tlhaola Dinonofo Tsa Modimo
Oct. 30 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 12-14
Pina No. 113 [*Bagalatia 5–Bafilipi 2]
No. 1: A o Tsaya Modimo e le Motho wa Mmatota? (w98-TN 9/15 dits. 21-3)
No. 2: 1 Dikgosi 13:1-10
No. 3: td-TN 15D Ga se Batho Botlhe ba ba Direlang Modimo a le Mongwe
No. 4: td-TN 4A A Basupi ba ga Jehofa ke Bodumedi jo Bosha?
Nov. 6 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 15-17
Pina No. 123 [*Bafilipi 3–1 Bathesalonika 5]
No. 1: Nna o Gatele Pele mo Semoyeng! (w98-TN 10/1 dits. 28-31)
No. 2: 1 Dikgosi 15:9-24
No. 3: td-TN 16A Jesu Keresete—Morwa Modimo le Kgosi e e Tlhomilweng
No. 4: td-TN 16B Lebaka La go Bo go Dumela mo go Jesu go le Botlhokwa go Bona Poloko
Nov. 13 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 18-20
Pina No. 159 [*2 Bathesalonika 1–2 Timotheo 3]
No. 1: Rarabolola Mathata ka Kagiso (w98-TN 11/1 dits. 4-7)
No. 2: 1 Dikgosi 20:1, 13-22
No. 3: td-TN 16C A go Dumela Fela mo go Jesu go Lekane Gore o Bone Poloko?
No. 4: td-TN 6A #Masego a a Tla Tlisiwang ke Bogosi Jwa Modimo
Nov. 20 Mmalo wa Baebele: 1 Dikgosi 21-22
Pina No. 179 [*2 Timotheo 4–Bahebera 7]
No. 1: 1 Dikgosi—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 68-9 dir. 23-6)
No. 2: 1 Dikgosi 22:29-40
No. 3: td-TN 6B Bogosi bo Simolola go Busa fa Baba ba ga Keresete ba sa Ntse ba Tshwere ka Thata
No. 4: td-TN 6C Bogosi Jwa Modimo ga bo Tle ka Maiteko a Motho
Nov. 27 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 1-3
Pina No. 148 [*Bahebera 8–Jakobe 2]
No. 1: Ketapele ya 2 Dikgosi (si-TN ts. 69 dir. 1-4)
No. 2: 2 Dikgosi 2:15-25
No. 3: td-TN 27A Se “Bokhutlo Jwa Lefatshe” bo se Bolelang
No. 4: td-TN 27B #Nna o Tsogile Semoyeng Gore o Bone Sesupo sa Malatsi a Bofelo
Dec. 4 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 4-6
Pina No. 109 [*Jakobe 3–2 Petere 3]
No. 1: Ikele Tlhoko mo Mokgweng wa Bosimone (w98-TN 11/15 ts. 28)
No. 2: 2 Dikgosi 5:20-27
No. 3: td-TN 9A Botshelo Jo bo Sa Khutleng ga se Toro Fela
No. 4: td-TN 9B Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?
Dec. 11 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 7-9
Pina No. 117 [*1 Johane 1–Tshenolo 1]
No. 1: Melaometheo ya Baebele e re Tshwanetseng go e Latela fa re Adimana Madi (w98-TN 11/15 dits. 24-7)
No. 2: 2 Dikgosi 7:1, 2, 6, 7, 16-20
No. 3: td-TN 9C Palo ya Batho ba ba Tla Bonang Botshelo Jo bo Sa Khutleng mo Lefatsheng Ga e A Lekanyediwa
No. 4: td-TN 24A #Tshwaragano ya Lenyalo e Tshwanetse go Nna e e Tlotlegang
Dec. 18 Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 10-12
Pina No. 181 [*Tshenolo 2-12]
No. 1: Kgang ya Mmatota ka Botsalo Jwa ga Jesu (w98-TN 12/15 dits. 5-9)
No. 2: 2 Dikgosi 11:1-3, 9-16
No. 3: td-TN 24B Bakeresete ba Tshwanetse go Tlotla Molaomotheo wa Botlhogo
No. 4: td-TN 24C Boikarabelo Jwa Batsadi mo Baneng
Dec. 25 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa 2 Samuele 13–2 Dikgosi 12
Pina No. 217 [*Tshenolo 13-22]